Jump to content

Wq/tn/Felicia Langer

From Wikimedia Incubator
< Wq | tn
Wq > tn > Felicia Langer

Felicia Langer

[edit | edit source]
Langer (ka ngwaga wa 2008)

Felicia Langer (yo o tshotsweng ka kgwedi ya Sedimonthole e tlhola malatsi a le boferabongwe ka ngwaga wa 1930 mme a tlhokafala ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bongwe ka ngwaga wa 2018) e ne e le mmueledi wa Jeremane-Iseraele le mmueledi wa ditshwanelo tsa batho yo o neng a itsege ka go sireletsa magolegwa a sepolotiki a Palestina kwa West Bank le kwa Gaza Strip. O ne a kwala dibuka di le mmalwa a latofatsa balaodi ba Iseraele ka go gataka ditshwanelo tsa batho. Ditiro tsa gagwe le maikutlo a gagwe ka ntwa ya Iseraele le Palesetina di ne tsa tsosa kganetsano e kgolo mo setšhabeng le dikganetsano.

Dikinolo

[edit | edit source]
  • "Ke ne ka tsaya tshwetso ya gore ga ke tlhole ke kgona go nna letlhare la mofeige la tsamaiso eno."
  • "Ke batla gore go tlogela tiro game e nne mofuta wa pontsho le go tlhagisa go itlhoboga game le go tenwa ke tsamaiso, mme gongwe e le bosupi jwa gore go tshwanetse ga dirwa sengwe go neela Bapalestina tshireletso mo mafelong a a gapilweng. Ka gore mo Bapalestina, ka maswabi, ga re ka ke ra bona tshiamiso."
  • "E re ka rona Bajuda re itse gore go boga go kaya eng, ga re a tshwanela go gatelela ba bangwe."